Ke fithisitswe nakong e
Ke Rara wa lorato;
Mme o kganetse tsotlhe tse
Tse di ka nnang molato
Lesego lotlhe mo moeng
Boitekanelo mo mmeleng,
O di nkabetse tsotlhe.

Ke go tumisa mo bathing,
Ke go leboga thata
Mothusi wa me bophelong,
Ka o ntse o re rata.
Ke go lebogela ‘rato loo
Le boikanyo jotlhe joo
Ka nnete o nthusitse.

Kea go rapela, Jesu Mong,
A o ko o tswelele
Go ntshegofatsa botshelong
Ke tle ke go tshelele.
Mme fa ke tsena
botlhokong,
Ditlalelong le mo losong,
Le gona moo o nthuse.

Submission by: Keitumetse