Ke fitlhisitswe nakong e
Ke Rara wa lorato;
mme o kganetse tsotlhe tse,
tse di ka nnang molato.
Lesego lotlhe mo moeng,
boitekanelo mo mmeleng,
O di nkabetse tsotlhe.
Ke go tumisa mo bathong,
Ke go leboga thata,
Mothusi wa me bophelong,
Ka o ntse o re rata.
Ke lebogela ‘rato loo
Le boikanyo jotlhe joo.
Ka nnete o nthusitse.
Kea go rapela, Jesu Mong,
a o ko o tswelele go ntshegofatsa botshelong,
ke tle ke go tshelele.
Mme fa ke tsena botlhokong,
ditlalelong le mo losong,
le gona moo o nthuse.

Submitted by: Desmond Lesejane